Articles liés à Ga Ke Modisa

Ga Ke Modisa - Couverture souple

Sabata-mpho

 
9780981441054: Ga Ke Modisa

Synopsis

Otsile le Thebe Modiri ke barwa ba motho, mme ba betsana ka noga e tshela ka ntlha ya lerato la bona mo go Nandi, mosetsana yo montle thata wa go tswa kwa ntlong ya segosi sa kwa Swatsing.

E rile fa maraganateng a bana ba mpa a ya magoletsa, Nandi a itlhopela yo a mo ratang. Le fa go ntse go le jalo, ntwa ya gana go fela yo a latlhegetsweng o ne a sa kgone go amogela. Mo basimaneng ba babedi ba, yo mogolo, Thebe, ke Rramotse wa pusoselegae ya Lekwa-Teemane. O itsege thata ka go nna lenyatso, a le boikgantsho ebile a rata madi.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, monnawe ke morulaganyi wa mmadikgang wa sedika wa Ntome Tsene. Ka tsatsi lengwe Thebe a amogela tšotšo go tswa go rrakwebo mongwe mme a rekisa lefatshe la pusoselegae ka tlhwatlhwa e e kwa tlase thata. Ka go tlhoka lesego, ditiro tsa gagwe tsa lefitshwana tsa senolwa ke mmadikgang wa ga monnawe. E rile fa a lemoga a le gaufi le go lelelwa ke ditshipi, Thebe o ne a tshwannwa ke go loga leano...

Les informations fournies dans la section « Synopsis » peuvent faire référence à une autre édition de ce titre.